EP 12 | MotswedingFM KonkaOnline | Tsa Metshameko |
Gompieno Oatile Jacobs, Oarabile Gaborone ba buisana le Sylvester "City"Kole yoo eleng mogaka wa setlhopa sa Kaizer Chiefs.
Leba puisano ya bone fa:
#MotswedingFM
There is a train that comes from Namibia and Malawi
there is a train that comes from Zambia and Zimbabwe,
There is a train that comes from Angola and Mozambique,
From Lesotho, from Botswana, from Swaziland,
From all the hinterland of Southern and Central Africa.
#RIPHughMasekela
15:00 - 18:00 | Jaaka re go solofeditse, re nale
@Boity
gompieno ka 16:20pm. O ka simolola go romela dipotso mmogo le ditshwaelo tsa gago.
#MotswedingFMGM
@luckytlale
Ke ka Kutlobotlhoko go itse fa modiragatsi wa mmino Jabulani “HHP” Tsambo a tlogetse lefatshe le le ka kwano. 😢😢
A Modimo le Badimo ba mo amogele ka diatla tsoopedi 🙏🏽
Robala ka kagiso mokgwatlheng, morwa Manyaapelo, setlogolo so Rra Mere.
Gompijeno o ne a tla tshwara dingwaga di le 52.
Re santse re leboga Modimo le Badimo ka mpho ya botshelo jwa gago 🙏🏾
Firikgong - Kgwedi e e reilwe ka lephoi la mofiri le le a bong le sela dikgonnyana, le aga setlhaga, go tla le simolola go baya mae. Leina la kgwedi e le tswa mo go mofiri le dikgong.
#Setswana
Ene ele Seetebosigo a rogwa, dingwaga dile 58 fa tirelokgaso ya gago e ne e simolola go gasa.
Gompijeno re keteka letsatsi la rona la matsalo, re ntse re re
#MotswedingFM58
Tsaya karolo o itumele le 📻 ya gago kgwedi yotlhe, re tlile go go neela dimpho 🎁💰 ka
#OkaraloYaMe
Lwetse (September) 👉🏾 kgwedi e ke e e tlang morago ga mariga, re tsena mo setlheng sa dikgakologo. Maru a pula a thiba mo loaping, gotwe “maru a a lwetse, a lwala pula”
#SaRengSetswanaMoNgwaneng
Seemo se le jaana, dipotso tse di tlhagellang thata ke gore, bagolo ba bana ba, bakae go kgalema bana ba bona?
Le gore a go ntsha bana bano kwa dikolong go ba direla molemo ka gore ba senyegelwa ke bokamoso.
Wena maikutlo a gago ke afeng?
Ngwanatsele (November) 👉🏿 kgwedi e ke e moretlwa o be o simolola go butswa go bonala ditlhaka tse di buduleng fale le fale. Bagolo ba re “Ngwana- itsele-thetlwa” Ka nako e o bagolo ba ka se dije ka di a be di ise di butswe.
#Setswana
Poo | Kgomo e tonanyana e e sa fagolwang.
Sempoo | poo e sa fagolegang sentle.
Tshikela | Poo e fagotsweng e godile.
Pelesa | Kgomo e tona e bile e fagotswe.
Lekaba | kgomo e bogologolo e neng e pagangwa.
Moreba/setwatwa | Kgomo e e sa tsaleng
#SeRengSetswanaMoNgwaneng
Ke ka kutlobotlhoko go bega fa Mme Keleabetswe Bella Komane (84) a tlogetse lefatshe ka matsa. O diretse lekgotla kgaso la Afrika Borwa ka 1962 ka nako ya tshimologo ya Radio Setswana a dira magareng ga a mangwe lenaneo la dithuto tsa bana go fitlha a kopana le mmopi wa gagwe.
Seetebosigo (June) 👉🏾 Kgwedi ya borataro ya ngwaga. E tla ka serame se e gaketseng thata, bogolo jang mo bosigong. Leina la kgwedi le gakolola batho gore ba tshabe serame, ba se ka ba eta bosigo.
#Setswana
Leboko la Mosadi Wa Letagwa - SA Moroke
Mahutsana a matlhotlhapelo,
Setlhogo sa matlhabisaditlhong,
Thogo ya morafe le setšhaba,
Tiro tsa mosadi wa letagwa,
Mohul'a kgosi metsi-masetlha,
Sehularela monna le bana,
A nyalwa ke phafana ya bojalwa.
1/3
Motsheganong 👉🏼 kgwedi ya botlhano ya ngwana. Mo kgweding e, mabele a a bo a setse a godile e bile a tiile mo masimong, dinonyane di retelelwa ke go ja mabele motlhofo. Mabele a tshega dinonyane.
#Setswana